Amadodana Ase Wesile - Modimo Wa Boikanyo текст песни

Текст песни Modimo Wa Boikanyo - Amadodana Ase Wesile




Modimo wa boikanyo
Re ikanya mo go wena
O gogile boraetsho mo dinageng tsa lenyora
Mme re lopa ka tlhoafalo
Matshego a ba a bonyeng
O nne Modimo wa rona
Mothusi mo tshikatshikeng
Mo ditseleng tsa botshelo
Goga dikgato tsa rona
Re tle re fitlhe kwa o teng
Legae je re le batleng
Re femele mo diphatseng
Re se digelwe ke sepe
Re neye se re se tlhokang
Dijo le tse di aparwang
Thuso e re a e lopa
Mo batlalong jwa gago Rra
Mme re tla go itshenekela
Re go direle ka metlha
Thuso e re a e lopa
Mo batlalong jwa gago Rra
Mme re tla go itshenekela
Re go direle ka metlha
Thuso e re a e lopa
Mo batlalong jwa gago Rra
Mme re tla go itshenekela
Re go direle ka metlha
Thuso e re a e lopa
Mo batlalong jwa gago Rra
Mme re tla go itshenekela
Re go direle ka metlha



Авторы: Tom Mokhati


Внимание! Не стесняйтесь оставлять отзывы.